Jump to content

Wikipedia:Today's featured article

Go tswa ko Wikipedia

Botswana

Lefatshe la Botswana mo borwa jwa Aforika, ke lefatshe le le dikaganyeditsweng ke a mangwe, ka jalo ga le a bapa le lewatle. Pele ga le tsaya boipuso ka kgwedi ya Phalane e tlhola masome a mararo ka ngwaga wa sekete, makgolo a roba bongwe, masome a le marataro le metso e le marataro mo go mmamosadinyana le ne le bidiwa Bechuanaland. Lefatshe la Botswana le dikaganyeditswe ke la Aferika Borwa kwa borwa-botlhaba go fitlha kwa borwa bophirima, Namibia kwa bophirima, Zambia kwa bokone le Zimbabwe kwa bokone-botlhaba. Lefatshe le le bidiwa Botswana, le reelelwa ka banni ba lone eleng Batswana.

Pina ya setshaba ya Botswana ke fatshe leno la rona, e e tlhamilweng ke K T Motsete.

Madi a a dirisiwang ko Botswana ke Pula.

Botswana ke lefatshe le le farologanyeng le mafatshe a mangwe mo Aferika. Morago ga puso ya ga Mmamosadinyana, Botswana o ne a tsaya boipuso ka di 30 tsa Lwetse 1966. Morago ga boipuso, lefatshe la Botswana le ne la dirisanya mmogo le puso ya Mmamosadinyana go itlhabolola. Babusi ba Botswana ka nako eo ba ne ba leka ka bojotlhe go ntsha Botswana mo tlaleng. Domokoraga e ne ya busa lefatshe le e eteletswe pele ke Seretse Khama, tautona wa ntlha wa Botswana. ►Read more